| About us
|
|
|
|
|
|
|
|
|
| Sustainable Development Reports
|
|
| SoE Reports
|
|
| |
|
|
|
|

|
| Downloads
|
|
|
|
|
|
|
|
| Kgaolo ya bo 17 |
|
|
 |
Go sireletsa mawatle, mefuta yotlhe ya mawatle, go akarediwa le mawatle a a ageletsweng ke mafatshe le a a ageletsweng bontlhanngwe le mafelo a a kwa mabopong le go sireletsa, go dirisiwa ka tshwanelo le go tlhabololwa ga metswedi ya botshelo jwa ona
Mawatle mo lefatsheng ke karolo e e botlhokwa ya manaane a go ema botshelo nokeng go kgabaganya lefatshe lotlhe. A aparetse karolo e kgolo ya boalo jwa Lefatshe, a na le tshwaelo e kgolo mo go tsa bosa, maemo a loapi e bile a abela palo e e golang ya batho dijo le metswedi e mengwe.
Mawatle a rwele mokgweleo o o oketsegang wa maemo a tikologo tse di bakiwang ke kgotlelego, go tshwara ditlhapi ka selekano se se feteletseng le go koafadiwa ga mabopo le legata le le mo teng ga mawatle.
Khonvenshene ya Ditšhaba Kopano ka ga Molao wa Mawatle e dira motheo wa ditshiamelo tsa go tsweletsa go sirelediwa le go tsweletsa tlhabololo ya tikologo ya mawatle le mabopo mmogo le metswedi ya ona. Se se tlhoka ditsela tse dintshwa tsa botsamaisi le tlhabololo ya mafelo a mawatle le mabopo, mo makaleng a bosetšhaba, dikgaolopotlana le tsa boditšhabatšhaba.
Mananeo a go tshwanetseng go kampanwa le ona le maikaelelo a kgaolo e ke:
-
Botsamaisi jo bo tshwaraganetsweng le tlhabololo e e tswelediwang ya mafelo a mabopo le mawatle, go sa akarediwe le mafelo a seikonomi:
Mafatshe a a dikaganyeditsweng ke mawatle a ititeile sehuba ka merero ya botsamaisi jo bo tshwaraganetsweng le tlhabololo e e tswelediwang ya mafelo a mabopo le tikologo ya mawatle a a leng mo taolong ya ona. Mo ntlheng e, go botlhokwa, mo gare ga tse dingwe, go:
-
Go tlhama maikemisetso a a tshwaragantsweng le ditiro tsa go tsaya ditshweetso, go akarediwa le makala otlhe a a amegang, go rotloetsa mokgwa o o kitlaneng le go a dirisa ka mokgwa o o lekalekanang;
-
Go lemoga go dirisiwa ga jaana le go go solofetsweng ga mafelo a mabopo le ka fa a amanang ka teng;
-
Go itshetlega mo mererong e e tlhaloganyesegang ka botlalo mabapi le botsamaisi jwa mabopo;
-
Go diragatsa mekgwa ya go thibela le ya go ela tlhoko fa go logwa maano a diporojeke le go a diragatsa, go akarediwa le go a sekaseka pele, le mokgwa o o lolameng wa go ela tlhoko tshwaelo ya diporojeke tse dikgolo;
-
Go rotloetsa tlhabololo le go diragatsa mekgwa, e e tshwanang le metswedi ya bosetšhaba le boruni jwa tikologo, tse di tshwaelang mo diphetogong tsa boleng go ya ka fa mafelo a mabopo le dikgaolo tsa mawatle di dirisiwang ka teng, go akarediwa ka fa go kgonagalang ka teng, go gogolega ga mawatle, go latlhegelwa ke metswedi le go nyelediwa ga mekgwa ya botshelo jwa ona;
-
Go dira ditshiamelo tsa go fitlhelelwa tshedimosetso le ditshono tsa bogokanganyi, ka fa go kgonagalang ka teng, ga batho ba ba amegang, ditlhopha le mekgatlho, le go nna le seabe mo go logeng maano le go tsaya ditshweetso mo makaleng a a tshwanetseng.
Go sireletsa tikologo ya mawatle:
Dipuso tsa mafatshe go ya ka ditshiamelo tsa Khonvenshene ya Ditšhaba Kopano ka ga Molao wa Mawatle wa go sireletsa le go somarela tikologo ya mawatle, di ititeile sehuba, go ya ka maikemisetso a tsona, le dilo tsa botlhokwa le mmogo metswedi, go thibela, go fokotsa le go laola go koafadiwa ga tikologo ya mawatle ka maikaelelo a go tshegetsa le go tokafatsa tse di tshegetsang botshelo jwa tsona le bokgoni jwa go ntsha dikuno. Mo ntlheng e, go botlhokwa go:
-
Go diragatsa mekgwa ya go thibela, ya go nna kelotlhoko le ya go tila go koafadiwa fa tikologo ya mawatle, mmogo le go fokotsa kotsi ya paka ya nako e telele kgotsa ditshwaelo tse di sa siamang mme di etegetse pele le tse di ka se keng tsa siamisiwa ka ga tshwaelo mo go tsona;
-
Go netefatsa go sekasekwa pele ga ditiro tse di ka nnang le tshwaelo e e sa siamang le e e etegetseng pele mo tikologong ya mawatle;
-
Go tshwaraganya go sirelediwa ga tikologo ya mawatle mo maikemisetsong a tlhabololo e e tshwanetseng ya tikologo, ya botshelo jwa batho le ya ikonomi ka kakaretso;
-
Go simolola mekgwa ya seikonomi, mo go kgonagalang teng, go diragatsa thekenoloji ya maemo a a phepa le mekgwa e mengwe e e tsamaelanang mme e akareditswe mo ditekanyetsong tsa ditshenyegelong tsa merero ya tikologo, e e tshwanang le maikemisetso a gore motho yo o kgotlelang tikologo ya mawatle o tshwanetse go e duela, gore go tle go tilwe go koafadiwa ga tikologo e;
-
Go tokafatsa maemo a botshelo jwa ditšhaba tsa kwa mabopong, bogolo segolo kwa mafatsheng a a tlhabologang, gore a tle a tshwaele mo go fokotseng go koafadiwa ga tikologo ya mabopo le ya mawatle.
Dipuso tsa mafatshe di dumallane gore ditshiamelo tsa metswedi ya tlaleletso ya dit helete, tse di ka bonwang ka mekgwa e e lolameng ya boditšhabatšhaba, mmogo le go fitlhelela thekenoloji e e phepa le dipatlisiso tse di tshwanetseng, di a tlhokagala go ema nokeng ditiro tsa mafatshe a a tlhabologang go diragatsa maikaelelo a.
Go dirisiwa mo go tsweletseng le go somarela metswedi ya botshelo jwa mawatle a a kwa godimo:
Dipuso tsa mafatshe di ititeile sehuba go somarela le go dirisa mo go tsweletseng metswedi ya botshelo jwa mawatle a a kwa godimo. Mo ntlheng e, go botlhokwa go:
-
Go tlhabolola le go oketsa kgonagalo ya metswedi ya botshelo jwa mawatle go fitlhelela ditlhokego tsa dikotla tsa batho, mmogo le tsa botshelo jwa batho, tsa ikonomi le dikeletso tsa tlhabololo;
-
Go tshegetsa kgotsa go aga leshwa mefuta ya metlhape ya ditshedi tsa kwa mawatleng ka selekano se se ka kgonang go ntsha dikuno tse dintsi tse di ka tswelediwang go ya ka ditshiamelo tse di tshwanetseng tsa mabaka a tikologo le a ikonomi, go tsewa tsia dikgolagano tsa botsalano magareng ga mefuta ya ditshedi;
-
Go rotloetsa go dirisiwa ga diaparo tse di kgethegileng tsa go tshwara ditlhapi ka mekgwa e e fokotsang go senya fa go tshwarwa tlhapi ya mofuta o o ikaeletsweng le go ngotla go tshwara mofuta wa tlhapi e e sa ikaelelwang;
-
Go netefatsa go ela tlhoko le go diragatsa melawana e e mabapi le ditiro tsa go tshwara ditlhapi;
-
Go sireletsa le go busetsa mefuta ya metlhape e e tshosediwang ke go nyelediwa;
-
Go somarela mekgwa ya botshelo jwa ditshedi le tikologo ya tsona mo mafelong a a bokowa;
-
Go rotloetsa dipatlisiso tsa saense mabapi le metswedi ya botshelo jwa kwa mawatleng, kwa mawatleng a a kwa godimo.
Ga go sepe mo temaneng e e fa godimo se se kganelang dithata tsa Puso ya Lefatshe kgotsa bokgoni jwa mokgatlho wa boditšhabatšhaba, ka mokgwa o o tshwanetseng, go kganela, go lekanyetsa kgotsa go laola go dirisiwa botlhaswa ga ditshedi tse di anyisang bana ba tsona kwa mawatleng a a kwa godimo ka melawana e e gagametseng go na le ditshiamelo tse di akareditsweng mo temaneng eo. Dipuso di tla dirisana ka maikaelelo a go somarela ditshedi tsa kwa mawatleng tse di anyisang bana ba tsona mme, mo makaleng a mangwe, di tla dirisa ka totobalo mekgatlho e e tshwanetseng ya boditšhabatšhaba go di somarela, go di tsamaisa le go ithuta ka botshelo jwa tsona.
Bokgoni jwa mafatshe a a tlhabologang go diragatsa maikaelelo a a fa godimo bo ikaegile mo ditshiamelong tse a nang natso, go akarediwa tsa ditšhelete, tsa saense le tsa thekenoloji tse a nang natso. Tirisano e e lekaneng mo mererong ya ditšhelete, ya saense le thekenoloji e tshwanetse go abelwa dikgato tsa go a ema nokeng go diragatsa maikaelelo a.
Go dirisiwa mo go tsweletseng ga go somarela metswedi ya botshelo jwa kwa mawatleng kafa tlase ga taolo ya bosetšhaba:
Dipuso tsa Mafatshe a a leng kwa Mabopong a Mawatle, bogolo segolo Dipuso tsa mafatshe a a tlhabologang ao ikonomi ya ona e ikaegileng thata tota mo go diriseng ka botlalo ga metswedi ya ditshedi tsa kwa mawatleng mo makaleng a a kgethegileng a ikonomi ya ona, a tshwanetse go sola molemo o o tletseng wa merero ya botshelo jwa batho le ikonomi go tswa mo go diriseng metswedi ya botshelo jwa kwa mawatleng ka mokgwa o o tsweletseng mo thulaganyong ya ona e e kgethegileng le mo makaleng a mangwe a a leng ka fa tlase ga taolo ya ona ya bosetšhaba.
Dipuso di ititaya sehuba go somarela le go dirisa mo go tsweletseng metswedi ya botshelo jwa kwa mawatleng e e ka fa tlase ga taolo ya ona ya bosetšhaba. Mo ntlheng e, go botlhokwa go:
-
Go tlhabolola le go oketsa kgonagalo ya metswedi ya botshelo jwa kwa mawatleng go kgona go fepa ditlhokego tsa dikotla tsa batho, mmogo le tsa botshelo jwa batho, tsa ikonomi le maikaelelo a tlhabololo;
-
Go amogela le go tsaya tsia mekgwa ya setso le kitso tsa ditšhaba tsa kwa magaeng, madirelo a mannye a go tshwara ditlhapi le baagi ba setso mo mananeong a tlhabololo le botsamaisi;
-
Go tshegetsa le go busetsa gape metlhape ya mefuta ya ditshedi tsa kwa mawatleng mo dikgatong tse di ka ntshang thobo e ntsi e e ka tswelediwang go ya ka mabaka a a tshwanetseng a tikologo le a ikonomi, go tsewa tsia dikgolagano tsa botsalano magareng ga mefuta ya ditshedi tse;
-
Go rotloetsa go dirisa diaparo tse di kgethegileng tsa go tshwara ditlhapi le mekgwa e e fokotsang go senya fa go tshwarwa tlhapi e e ikaeletsweng le go fokotsa go tshwara mefuta ya tlhapi e e sa ikaelelwang;
-
Go sireletsa le go busetsa gape mefuta ya ditshedi tsa kwa mawatleng tse di tshosediwang ke go nyelediwa;
-
Go somarela ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona e e bokowa kgotsa e e bosisi, mmogo le mokgwa wa botshelo jwa ditshedi le mafelo a mangwe a a bokowa a ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona.
Ga go sepe mo temaneng e e fa godimo se se thibelang Dipuso tsa Mafatshe a a kwa Mabopong kgotsa bokgoni jwa mekgatlho ya boditšhabatšhaba, go ya ka fa go tshwanetseng ka teng, go kganela, go lekanyetsa kgotsa go laola go dirisiwa botlhaswa ga ditshedi tsa kwa mawatleng tse di anyisang bana ba tsona ka melawana e e gagametseng thata go feta ditshiamelo tse di dirilweng mo temaneng eo. Dipuso di tla dirisana ka maikaelelo a go somarela ditshedi tsa kwa mawatleng tse di anyisang bana ba tsona, mme mo mabakeng a mangwe, di tla dirisana ka totobalo le mekgatlho e e tshwanetseng ya boditšhabatšhaba go somarela, go di tsamaisa le go ithuta ka ga tsona.
Bokgoni jwa mafatshe a a tlhabologang go diragatsa maikaelelo a a fa godimo go ikaegile mo ditshiamelong tsa ona, go akarediwa tsa ditšhelete, tsa saense le thekenoloji tse a nang natso. Go dirisana mo ka botlalo mo mererong ya ditšhelete, ya saense le thekenoloji go tshwanetse go ema nokeng dikgato tsa ona tsa go diragatsa maikaelelo a.
Go ela tlhoko go tlhoka boikanyego mo go tshwenyang ga botsamaising jwa tikologo ya ditshedi tsa kwa mawatleng le go fetoga ga maemo a ona a bosa:
Dipuso tsa Mafatshe, go ya ka ditshiamelo tsa Khonvenshene ya Ditšhaba Kopano ka ga Molao wa Mawatle ka ga dipatlisiso tsa saense tsa botshelo jwa kwa mawatleng, di ititeile sehuba go tokafatsa go tlhaloganya ga tsona ga botshelo jwa tikologo ya kwa mawatleng le seabe sa tshwaelo ya tsona mo ditiragalong tsa lefatshe ka bophara. Mo ntlheng e, go botlhokwa go:
-
Go rotloetsa dipatlisiso tsa saense le go ela tlhoko mo go lolameng ga tikologo ya botshelo jwa kwa mawatleng go ya ka selekano sa tsona sa taolo ya bosetšhaba ya mawatle a a kwa godimo, go akarediwa le dikgolagano tsa botsalano jwa tsona le metlholo ya merero ya loapi, e e tshwanang le go sesafala le go nyelediwa ga boalo jwa loapi jwa “ozone”.
-
Go rotloetsa go refosana merero ya tshedimosetso e e runyang mo dipatlisisong tsa saense le go ela tlhoko mo go lolameng le go tswa mo kitsong ya setso sa ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona le go netefatsa gore e fitlhelelwa ke ba ba tlhamang maikemisetso mmogo le setšhaba ka bophara mo lekaleng la bosetšhaba;
-
Go dirisana ka maikaelelo a go tlhabolola maemo a boleng ka mekgwa ya selekano se se golagantsweng, ya go lekanyetsa, go boloka tshedimosetso le bokgoni jwa botsamaisi jwa dipatlisiso tsa saense ka ga, le mokgwa wa go ela tlhoko tikologo ya ditshedi tsa kwa mawatleng.
Go natlafatsa tirisano le bogokaganyi jwa boditšhabatšhaba go akarediwa le jwa dikgaolo:
Dipuso tsa Mafatshe di ititeile sehuba, go ya ka maikemisetso a tsona, tsa botlhokwa le metswedi, go rotloetsa thulaganyo ya ditheo tse di botlhokwa go ema nokeng le go diragatsa mananeo a a mo kgaolong e. Mo ntlheng e, go botlhokwa, go ya ka fa go tshwanetseng ka teng, go:
-
Go tshwaraganya ditiro tse di tshwanetseng tsa makala tse di lekang go rarabolola merero ya tikologo le tlhabololo ka ga ditshedi tsa kwa mawatleng le mafelo a kwa mabopong mo makaleng a bosetšhaba, a dikgaolopotlana, a dikgaolo le a boditšhabatšhaba, jaaka go tshwanetse;
-
Go rotloetsa go refosana tshedimosetso ka botlalo le, go ya ka fa go tshwanetseng ka teng, go golaganya ditheo magareng ga mafatshe a le mabedi le mafatshe a mantsi mo lekaleng la bosetšhaba, la kgaolo, la kgaolopotlana le ditheo tsa dikgaolo tse di golaganang le go tshwaraganela merero ya tikologo le tlhabololo ya ditshedi tsa kwa mawatleng le mafelo a kwa mabopong;
-
Go rotloetsa go ya ka thulaganyo ya Ditšhaba Kopano, go sekaseka gangwe le gape ga mafapha a a farologaneng le go ela tlhoko merero ya tikologo le tlhabololo mabapi le ditshedi tsa kwa mawatleng le mafelo a kwa mabopong;
-
Go rotloetsa mekgwa ya ditiro tsa bogokaganyi jo bo bokgoni jwa dikarolo tsa Dit haba Kopano tse di tshwaraganeng le merero ya tikologo le tlhabololo ka ga ditshedi tsa kwa mawatleng le mafelo a kwa mabopong, mmogo le dikgolagano le mekgatlho e e tshwanetseng ya tlhabololo ya boditšhabatšhaba.
Tlhabololo e e tswelediwang ya ditlhaketlhake tse dinnye:
Dipuso tsa Mafatshe di ititeile sehuba go rarabolola mathata a tlhabololo e e tswelediwang ya ditlhaketlhake tse dinye tsa mafatshe a a tlhabologang:
-
Go amogela le go diragatsa maano le mananeo a a emang nokeng tlhabololo le go dirisiwa mo go tsweletseng ga metswedi ya mafatshe ya ditshedi tsa mo mawatleng le tsa kwa mabopong, go akarediwa go kgona ditlhokego tsa batho, go tshegeditswe mefuta ya ditshedi tse di farologaneng le go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa batho ba kwa ditlhaketlhakeng;
-
Go amogela mekgwa e e tla letlang Dipuso tsa Mafatshe a a tlhabololang ditlhaketlhake tse dinnye go kgona ka botlalo, ka botswerere jo bo manontlhotlho le jo bo tswelediwang mmogo le diphetogo tsa tikologo le ditshwaelo tse di tlhokagalang le go fokotsa matshosetsi a a tlhagelelang mo ditsheding tsa kwa mawatleng le tsa kwa mafelong a mabopo.
|
|
|