| About us
|
|
|
|
|
|
|
|
|
| Sustainable Development Reports
|
|
| SoE Reports
|
|
| |
|
|
|
|

|
| Downloads
|
|
|
|
|
|
|
|
| Kgaolo ya bo 18 |
|
|
 |
Go sireletsa boleng le go aba metswedi ya metsi a a phepa le a a nowang: go diragadiwa ga mekgwa e e tshwaragantsweng ya tlhabololo ya botsamaisi le go dirisiwa ga metswedi ya metsi
Metsi a a phepa a botlhokwa go nowa, go dirisediwa mesele ya leswe, temothuo, kwa madirelong, go tlhabolola ditoropo, go fetlha maatla a motlakase, go tshwara ditlhapi tsa mo teng ga boalo jwa lefatshe, merero ya dirori le dipalangwa, boitapoloso le ditiro tse dingwe tse dintsi tsa batho.
Kwa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe metswedi ya metsi a a phepa e tlhaela tota, e senngwa ka ikeetlo le go kgotlela metsi ka selekano se se oketsegang. Go tshwanetse ga nna le mekgwa e e itshimololelwang ya thekenoloji ya go dirisa metswedi e e lekanetseng fela ya metsi le go babalela metswedi eo kgatlhanong le go kgotlelwa.
Mananeo a go tshwanetseng go kampanwa le ona le maikaelelo a kgaolo e ke:
-
Mekgwa e e tshwaraganetsweng ya go tlhabololwa le botsamaisi jwa metswedi ya metsi:
Maikaelelo a kakaretso ke go kgona ditlhokego tsa metsi a a phepa go mafatshe otlhe go dirisediwa tlhabololo e e tswelediwang.
Botsamaisi jo bo tshwaragantsweng jwa metswedi ya metsi bo ikaegile mo kakanyo ya gore metsi ke karolo e e botlhokwa ya ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona, motswedi wa tlhago le sengwe se se siametseng botshelo jwa batho le ikonomi, a bontsi le boleng jwa ona bo laolang ka fa a tshwanetseng go dirisiwa ka teng. Ka ntlha ya se, metswedi ya metsi e tshwanetse go sirelediwa, go tsewa tsia ka fa a dirisiwang ka teng mo ditsheding tsa ka fa metsing le tikologo e di tshelelang mo go yona le go nna teng mo pakeng ya nako e telele ga motswedi wa ona, ka maikaelelo a go itumedisa le go lebaganya ditlhokego tsa metsi mo ditirong tsa batho. Fa go tlhabololwa le go dirisiwa metswedi ya metsi, go tshwanetswe ga lejwa ditlhokego tsa botlhokwa le go babalela ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona. Legale, kwa ntle ga tlhokego e, badirisi ba metsi ba tshwanetse go kopiwa tlhwatlhwa e e lekanetseng le e e tshwanetseng.
Botsamaisi jo bo tshwaragantsweng jwa metswedi ya metsi, go akarediwa le go tshwaraganngwa ga mabaka a a tsamaelanang le merero ya lefatshe le ya metsi, bo tshwanetse go diragadiwa go ya ka selekano sa moedi kgotsa mogobe o a gorogelang mo go ona. Maikaelelo a le mane a magolo a tshwanetse go elwa tlhoko, ka mokgwa o o latelang:
-
Go rotloetsa mekgwa e e matlhagatlhaga, e e golaganngwang, e e boelediwang gangwe le gape le e e maphataphata ya botsamaisi jwa metswedi ya metsi, go akarediwa go lemogiwa le go sireletswa kgonagalo ya metswedi ya kabo ya metsi a a phepa, e e tshwaraganyang thekenoloji, merero ya botshelo jwa batho le ikonomi, ya tikologo, le ya boitekanelo jwa botshelo jwa batho;
-
Go rulaganya go dirisiwa ka mokgwa o o tsweletseng le wa bosetšhaba, go sireletsa, go somarela le botsamaisi jwa metswedi ya metsi go ya ka ditlhokego tsa setšhaba le merero ya botlhokwa go ya thulaganyo ya maikemisetso a bosetšhaba a tlhabololo ya ikonomi;
-
Go rulaganya, go diragatsa le go sekaseka diporojeke le mananeo a bokgoni jwa merero ya ikonomi le e e matshwanedi ya botshelo jwa batho go ya ka maano a a tlhalosegang ka botlalo, le ka mokgwa wa go nna le seabe ka botlalo ga setšhaba, go akarediwa basadi, bana, baagi ba setso le ba selagae mo botsamaising jwa metsi le go tlhama maikemisetso le go tsaya ditshweetso;
-
Go lemoga le go natlafatsa kgotsa go tlhabolola, ka fa go tlhokagalang ka teng, bogolo segolo kwa mafatsheng a a tlhabologang, mekgwa e e tshwanetseng ya ditheo, ya semolao le ya ditšhelete go netefatsa gore maikemisetso ka ga metsi le go diragadiwa ga ona, ke selekanyetso sa go tswelela pele ga botshelo jwa batho go go tswelediwang le go gola ga ikonomi.
Mo ntlheng ya go kgabaganya melelwane ga metswedi ya metsi, go botlhokwa jwa gore Dipuso tsa Mafatshe a a leng mo dintshing tsa noka di rulaganye maano a metswedi ya metsi, mananeo a dikgato tsa metswedi ya metsi le go sekaseka, ka fa go kgonagalang ka teng, go nolofatsa maano ao le dikgato tsa mananeo. Dipuso tsotlhe, go ya ka bokgoni jwa tsona le metswedi e di nang nayo, gape le ka tirisano magareng ga dinaga di le pedi kgotsa tse di fetang di le pedi, go akarediwa le Dit haba Kopano le mekgatlho e mengwe e e tshwanetseng, di ka rulaganya mabaka go ya ka dipaka tsa nako tse di latelang:
- Ka ngwaga wa 2000:
-
Di be di rulagantse le go lekanyetsa, le go bolotsa mananeo a dikgato tsa bosetš- haba, le go tlhoma mafaratlhatlha a ditheo tse di tshwanetseng le didirisiwa tsa mabaka a semolao;
-
Go nna le mananeo a a tlhomameng a go dirisa metsi ka bokgoni le go tshegetsa metswedi e e tswelediwang le mekgwa ya go dirisa metsi;
- Ka ngwaga wa 2025:
- Di be di fitlhelletsa maikaelelo a mananeo otlhe a makalapotlana a metsi a a phepa.
Go a tlhaloganyesega gore go itumedisa selekanyetso sa paka ya nako e e tlhalositsweng mo go (1) le(11)fa godimo go tla ikaega mo metsweding e e leng teng le e mentshwa ya metswedi ya kabo ya ditšhelete tse di tla rebolelwang mafatshe a a tlhabologang go ya ka ditshiamelo tse di tshwanetseng tsa molawana wa 44/228 wa Kakaretso/Kokoano.
B Go sekaseka metswedi ya metsi:
Go ya ka Maano a Dikgato tsa Mar del Plata, lenaneo le le atoloseditswe go fitlhelela dingwaga tsa bo 1990 le go feta ka maikaelelo kakaretso a go netefatsa go sekaseka le go bonelapele bontsi le maemo a boleng jwa metswedi ya metsi, ka maikaelelo a go lekanyetsa bontsi jwa metswedi yotlhe ya metsi e e tla beng e le teng le kgonagalo ya go nna teng ga ona mo isagweng, go lekanyetsa seemo sa yona sa boleng jwa maemo a yona, go bonelapele dikgotlang tse di ka nnang teng magareng ga ditlhokego le kabo ya metsi, mmogo le go dira ditshiamelo tsa tshedimosetso ya saense ya go dirisa metswedi ya metsi ka tshwanelo.
Maikaelelo a a totobetseng a le matlhano a rulagantswe ka mokgwa o o latelang, wa tshwanelo:
-
Go abela mafatshe otlhe tshekatsheko ya thekenoloji ya metswedi ya metsi e e tshwanetseng ditlhokego tsa ona, go sa kgathalesege maemo a tlhabologo ya ona, go akarediwa le tshwaelo ya go sekaseka diphetogo tsa maemo a bosa a metsi a a phepa;
-
Go abela mafatshe otlhe, go ya ka bokgoni jwa maemo a ona a ditšhelete, metswedi ya tshekatsheko ya ditšhelete go tsamaelana le ditlhokego tsa ona tsa merero ya ikonomi le ya botshelo jwa batho ya tshedimosetso ka ga metswedi ya metsi;
-
Go netefatsa gore tshedimosetso ya tshekatsheko eo e dirisiwa ka botlalo fa go rulaganngwa maikemisetso a botsamaisi jwa metsi;
-
Gore mafatshe otlhe a itlhomele thulaganyo ya ditheo tse di tlhokagalang go netefatsa bokgoni jwa go kokoanya, go tlhama, go boloka, go fitlhelela go bolokilweng le go phasaletsa kwa badirising ba tshedimosetso ka ga maemo a boleng le bontsi jwa metswedi ya metsi a a leng teng mo legatong la mafatshe a a leng mo metsi a simololang go fologela teng, le metsi a a ka fa tlase ga lefatshe le didiba ka mokgwa o o tshwaragantsweng;
-
Go nna le palo e e lekaneng ya go thapa le go tshegetsa badiri ba ba katisitsweng ka botlalo ga ditheo tse di sekasekang metswedi ya metsi le go ba abela katiso, le go ba katisia gangwe le gape mo ba tla go tlhokang go rwala maikarabelo a bona le go kgona go dira tiro ya bona ka katlego.
Mafatshe otlhe, go ya ka bokgoni jwa ona le metswedi e e leng teng, le tirisano ya magareng ga mafatshe a le mabedi kgotsa mafatshe a le mantsi, go akarediwa le go dirisana le Ditšhaba Kopano le mekgatlho e mengwe e e lebaneng, le ka mokgwa o o lolameng, a ka ithulaganyetsa maikaelelo a a latelang:
-
Gore ka ngwaga wa 2000, a be a ithutile ka botlalo bomolemo jwa go tlhoma ditirelo tsa go sekaseka metswedi ya metsi;
-
Mo maikaelelong a paka ya nako e telele, go nna le ditirelo tsa go dira tiro ka mafaratlhatlha a maemo a a kwa godimo a botlhatswetso jwa metsi.
Go sireletsa metswedi ya metsi, maemo a boleng jwa metsi le ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona ya metsi:
Matswakabele a dikgolagano tse di tshwaragantsweng tsa manaane a metsi a a phepa a tlhoka gore botsamaisi jwa metsi e nne jo bo akaretsang (ka mokgwa wa botsamaisi jwa mafatshe a metsi a simololang go fologela kwa go ona) e bile a ikaegile mo kakanyong e e lekalekaneng le ditlhokego tsa batho le tsa tikologo. Maano a Dikgato tsa Mar del Plata a setse a amogetse matswakabele a dikgolagano magareng ga diporojeke tsa tlhabololo ya metswedi ya metsi, le botlhokwa jwa ditlamorago tsa boleng jwa ona, maemo a sekhemikale, a ditshedi, boitekanelo le tsa maemo a botshelo le a ikonomi. Maikaelelo kakaretso a boitekanelo jwa tikologo a rulagantswe ka mokgwa o o latelang: “go sekaseka ditlamorago tse badirisi ba ba farologaneng ba metsi ba nang le tsona mo mererong ya tikologo, go ema nokeng mekgwa e e ikaeletsweng go laola malwetse a a tsamaelanang le go dirisa metsi, mmogo le go sireletsa ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona”.
Selekano le go etegela pele ga go kgotlelega ga dikgaolo tse di se nang bophadiphadi jwa metsi le metsi a a ka fa tlase ga lefatshe go nyaditswe lebaka la nako e telele ka ntlha ya go se kgone go fitlhelela metsi a a dutilweng ka fa tlase ga lefatshe le go tlhoka tshedimosetso e e ikanyegang ka ga manaane a metsi a a ka fa tlase ga lefatshe. Ka go rialo go sireletsa metsi a a ka fa tlase ga lefatshe ke ntlha ya botlhokwa ya botsamaisi jwa metswedi ya metsi.
Go tshwanetse ka nako e e tsamaelanang ka gangwe fela ga latelwa maikaelelo a le mararo a go tshwaraganya dintlha tsa maemo a boleng jwa metsi le botsamaisi jwa metswedi ya metsi:
-
Go tlhokomela seriti sa ditshedi le tikologo e di tshelelang mo go yona, go ya ka botsamaisi jwa maikemisetso a go somarela ditshedi tsa metsi le tikologo e di tshelelang mo go yona, go akarediwa le metswedi e e tshelang, le go di sireletsa ka bokgoni mo mokgweng mongwe le mongwe wa go di lomeletsa le go di nyatsa wa go gogolega;
-
Go nna le Tshireletso ya Boitekanelo jwa Setšhaba, ke tiro e e tlhokang e seng fela ditshiamelo tsa metsi a a nowang le a a babalesegileng, legale mmogo le go laola go tlhagelela ga malwetse mo tikologong ya bophadiphadi jwa metsi;
-
Go tlhabololwa ga merero ya badiri, ke selo sa botlhokwa sa go rulaganya bokgoni le tlhokego ya botlhokwa fa go diragadiwa botsamaisi jwa metsi a maemo a boleng jo bo kwa godimo.
Mafatshe otlhe, go ya ka bokgoni jwa ona le go nna teng ga metswedi, ka tirisano ya magareng ga mafatshe a le mabedi le mafatshe a mangwe a le mantsi, go akarediwa le Ditshaba Kopano le mekgatlho e mengwe e e botlhokwa le e e tshwanetseng, a ka itlhomela maikaelelo a a latelang:
-
Go lemoga le go tshwaya metswedi ya metsi a a leng mo boalong jwa lefatshe le a a kwa tlase ga lefatshe a a ka tlhabololwang go dirisiwa ka mokgwa o o tswelediwang mmogo le metswedi e mengwe e megolo e e ka tlhabololwang go ya mabaka a a ikaegileng mo mererong ya metsi le, ka yona nako eo, go simolola mananeo a go sireletsa, a go somarela le a go dirisiwa ka mokgwa o o lolameng ga metswedi e ka mokgwa o o ka tswelediwang;
-
Go lemoga kgonagalo yotlhe ya metswedi ya kabo ya metsi le mekgwa e e rulagantsweng ya go e sireletsa, go e somarela le go e dirisa ka mokgwa o o tshwanetseng;
-
Go simolola mananeo a a bokgoni a go kganela go kgotlelega ga metsi le go a laola, tse di ikaegileng mo mekgweng e e tshwaragantsweng ya go fokotsa go kgotlelega le maano a a theiwang mo metsweding, go sekaseka tshwaelo ya tikologo le maemo a boleng a a ka gapelediwang mo metsweding e megolo le kgonagalo ya maemo a a kwa godimo a dikotsi mo mafelong a a seng a metswedi, go lepalepana le tlhabololo ya botshelo jwa batho le merero ya ikonomi;
-
Go nna le seabe, go ya ka fa go tshwanetseng ka teng, mo mananeong a boditšhabatšhaba a go ela tlhoko maemo a boleng jwa metsi le botsamaisi jwa ona a a tshwanang le Lenaneo la Boditšhabatšhaba la Go Ela Tlhoko Boleng jwa Maemo a Metsi (GEMS/WATER), UNEP Botsamaisi jwa Tikologo jo bo Lolalmeng jwa Metsi a a mo Meeding e e mo teng ga Lefatshe (EMINWA), Mekgatlho ya go tshwara ditlhapi mo teng ga boalo jwa lefatshe ya FAO, le Khonvenshene ya Dikgaolo tsa Mafstahe tse di Tswetswenang Metsi Tsa Botlhokwa tsa Boditšhabatšhaba Bogolo Segolo tsa Mekgwa ya Botshelo jwa Mo Metsing (Ramsar Convention);
-
Go fokotsa malwetse a a tsamaelanang le metsi, go simololwa ka go fedisiwa gotlhelele ga malwetse a “dracunculiasis” (guinea worm disease); le a “onchocerciasis (jwa river blindness) mo ngwageng wa 2000;
-
Go tlhoma, go ya ka bokgoni le ditlhokego, selekano sa maemo a boleng jwa mekgatlho yotlhe e e dirisanang ka metsi (metsi a a mo bolaong jwa lefatshe le a a ka fa tlase ga lefatshe), merero ya botshelo, ya boitekanelo, ya sebele le ya dikhemikale, ka maikaelelo a go tswelela ka metlha yotlhe go tokafatsa boleng jwa maemo a metsi;
-
Go amogela mekgwa e e tshwaragantsweng ya botsamaisi jo bo tswelediwang jwa merero ya tikologo ka ga metswedi ya metsi, go akarediwa le go sireletsa ditshedi tsa mo metsing le tikologo e di tshelelang mo go yona le metswedi ya ditshedi tsa botshelo jwa mo teng ga metsi a a phepa;
-
Go rulaganya maano a botsamaisi jo bo lolameng jwa tikologo ya metsi a a phepa le merero e e tsamaelanang le ditshedi tsa kwa mabopong, go akarediwa le go tsaya tsia merero ya go tshwara ditlhapi, botshelo jwa mo metsing, mafulo a diphologolo, ditiro tsa temothuo le botshelo jwa ditshedi tsa mefuta e e farologaneng.
Go aba metsi a a nowang le mafaratlhatlha a kgelelo ya leswe:
Motlhala wa kwa New Delhi (o o amogetsweng mo Kopanong ya Boditšhabatšhaba ka ga Metsi a a Babalesegileng le Mafaratlhatlha a Kgelelo ya Leswe mo dingwageng tsa bo 1990, e e neng e tshweretswe kwa New Delhi go tloga ka la 10 go fitlhela di 14 Lwetse, 1990) o gateletse semmuso botlhokwa jwa go aba ditshono, ka mokgwa o o tswelediwang, tsa go fitlhelela metsi a a babalesegileng ka bontsi jo bo lekaneng le mafaratlhatlha a a tshwanetseng a kgelelo ya leswe batho botlhe, go gatelelwa thata ka totobalo “dingwe tsa tsona go batho botlhe go na le di le dintsi go batho bangwe”. Maikemisetso a le mane a dira ditshiamelo tsa mananeo a maikaelelo a:
-
Go sireletsa tikologo le go babalela merero ya boitekanelo ka botsamaisi jo bo tshwaragantsweng jwa metswedi ya metsi, le leswe le matlakala a a metsi le a a komota;
-
Go rulaganya seshwa ditheo ka go rotloetsa mokgwa o o tshwaragantsweng le go akarediwa ga diphetogo le ditiro, mekgwa le boitshwaro, le go nna le seabe ka botlalo ga basadi mo dikgatong tsotlhe tsa makala a ditheo;
-
Go itsamaisetsa ditirelo ga setšhaba, mo go engweng nokeng ka mekgwa ya go natlafatsa ditheo tsa selegae ka go diragatsa le go tsweletsa mananeo a metsi le mafaratlhatlha a kgelelo ya leswe;
-
Mekgwa e e lolamaneng ya go dirisiwa ga ditšhelete, e e fitlhelelwang ka botsamaisi jo bo botoka jwa thoto e e leng teng, le go dirisiwa ka bophara ga thekenoloji e e tshwanetseng.
Maitemogelo a nako e e fetileng a supile gore paka le nako e a tshwanetseng go dirwa ka yona a tshwanetse go rulaganngwa ke lefatshe lengwe le lengwe ka bo lona. Kwa Kopano ya Lefatshe ka Bophara ka ga Bana, e e neng e tshwerwe mo kgweding ya Lwetse 1990, ditlhogo tsa Mafatshe kgotsa tsa Dipuso di ikuetse mo lefatsheng lotlhe go dira ditshiamelo tsa go aba metsi le mafaratlhatlha a kgelelo ya leswe le go fedisa gotlhelele bolwetse jwa “guinea worm” mo ngwageng wa 1995. Le fa tota go ikaeletswe go abela botlhe metsi mo ngwageng wa 2025, go lekanyediwa gore dipeeletso tsa ngwaga le ngwaga di tshwanetse go fitlhelela seelo sa jaanong se menagantswe gabedi. Maano a a tla kgonagalang tota a go fitlhelela ditlhokego tsa jaanong le tsa isagwe, ka go rialo, ke go tlhabolola ditirelo tse di tlhwatlhwa tlase, legale e le tse di lekaneng le tse di ka diragadiwang le go tswelediwa mo legatong la baagi ka sebele.
Metsi le tlhabololo e e ka tswelediwang ya kwa ditoropong:
Maikaelelo a tlhabololo ya lenaneo le ke go ema nokeng matsapa a selegae le a Puso le bokgoni jwa tlhabololo ya bosetšhaba e e ka tswelediwang, le go ntsha dikuno ka botsamaisi jo bo lolameng jwa metswedi ya metsi a tikologo a a tla dirisiwang kwa ditoropong. Go ema maikaelelo a nokeng ke e tla nna go lemoga le go diragadiwa ga maano le dikgato tse di tla tsewang go netefatsa go abiwa ga metsi ka ditlhwatlhwa tse di ka kgonagalang mo pakeng ya nako ya ga jaana le ya isagwe mmogo le go busetsa morago mekgwa ya jaanong ya go koafatsa le go nyeletsa metswedi.
Dipuso tsotlhe tsa mafatshe, go ya ka bokgoni jwa tsona le go nna teng ga metswedi, le ka tirisano magareng ga mafatshe a le mabedi le a le mantsi, go akarediwa le Ditšhaba Kopano le mekgatlho e e lebaganeng go ya ka fa go tshwanetseng ka teng, di ka itlhomela maano a a latelang:
-
Gore mo ngwageng wa 2000, di be di netefaditse gore baagi botlhe ba kwa ditoropong ba fitlhelela bonnye dilitara di le 40 tsa metsi a a babalesegileng tlhogo ya motho ka letsatsi, le gore batho ba kwa ditoropong ba le dipersente di le 75 ba abelwe ditshiamelo tsa mafaratlhatlha a kgelelo ya leswe mo setsheng se ba agileng mo go sona kgotsa tse di kopanetsweng tsa botlhe;
-
Gore mo ngwageng wa 2000, di be di tlhomile le go diragatsa maemo ka bontsi le boleng jwa ditiro tsa bommasepala le tsa madirelo a magolo;
-
Gore mo ngwageng wa 2000, di be di netefaditse gore 75% ya leswe le le komota le tswang mo mafelong a ditoropo le a kokoanngwa le go tlhamelwa go dirisiwa gape kgotsa go latlhiwa ka mokgwa o o babalesegetseng tikologo;
Metsi a go ntsha dikuno tsa dijo mo go ka tswelediwang le tlhabololo ya dikgaolo tsa kwa magaeng:
Maikemisetso a maano a botlhokwa a botsamaisi jo bo lolameng le jo bo tshwaragantsweng gotlhelele jwa metswedi ya metsi kwa dikgaolong tsa magae a ka rulaganngwa ka mokgwa o o latelang:
-
Metsi a tshwanetse go tsewa e le motswedi o o felang e bile a na le boleng jwa tlhwatlhwa le go nna le tshwaelo e e botlhokwa mo mererong ya botshelo jwa batho le ya ikonomi le go senola botlhokwa jwa go itumedisa ditlhokego tsa botlhokwa mo botshelong;
-
Baagi ba selegae ba tshwanetse go nna le seabe mo makaleng otlhe a botsamaisi jwa metsi, go netefadiwa gore basadi ba nne le seabe ka botlalo fa go lejwa seabe sa bona ka sebele mo go abiweng ga metsi a letsatsi le letsatsi, mo botsamising jwa ona le go a dirisa;
-
Botsamaisi jwa metswedi ya metsi bo tshwanetse go rulaganngwa ka tlhaloganyo ya maikemisetso ka bophara a
- boitekanelo jwa batho;
- go ntsha dikuno, go di somarela le go di phasalatsa;
- maano a go tila go welwa ke bomadimabe;
- go sireletsa tikologo le go somarela motheo wa metswedi ya tlhago;
- Go botlhokwa go lemoga le go ema nokeng ka botlalo seabe sa ditšhaba tsa kwa magaeng, go totobaleditswe bogolo segolo basadi.
Lenaneo la Dikgato tsa Boditšhabatšhaba ka ga Metsi le Tlhabololo ya Temothuo e e ka Tswelediwang (IAPWASAD), le boloditswe le go simololwa ke FAO ka tirisano le mekgatlho e mengwe ya boditšhabatšhaba. Maikaelelo magolo a Lenaneo la Dikgato tse ke go thusa mafatshe a a tlhabologang go loga maano, go tlhabolola le botsamaisi jwa metswedi ya metsi ka mokgwa o o tshwaragantsweng go fitlhelela ditlhokego tsa ga jaana le tsa isagwe tsa go ntsha dikuno tsa temothuo, go tsewa tsia merero e e amanang le tikologo.
Lenaneo le la Dikgato tse di tshwanetseng go tsewa le tlhabolotse thulaganyo ya go dirisiwa ga metsi ka mokgwa o o ka tswelediwang mo lekaleng la temothuo le go lemoga merero ya botlhokwa mo makaleng la bosetšhaba, la selegae le la boditšhabatšhaba. Maikaelelo a bontsi jwa boleng jwa go tlhabolola ditirelo tse dintshwa tsa go nosetsa, go tokafadiwa ga dikema tse di leng teng tsa go nosetsa le go phepafatsa karolo ya mafatshe a a dikaganyeditsweng ke metsi le a a letswai ka go a ntsha ka mesele mo mafatsheng a a tlhabologang a le 130, mo go lekanyediwang go ya ka motheo wa ditlhokego tsa dijo, maemo a bosa mo dikgaolong tsa temothuo, le go nna teng ga metsi le karolo ya lefatshe.
Ditsholofelo tsa FAO ka ga go nosetsa, ditiro tsa mafaratlhatlha a go gelela leswe le mananeo a mannye a metsi mo ngwageng wa 2000 a mafatshe a a tlhabologang a le 130, di eme ka mokgwa o o latelang:
-
Dimilione di le 15.2 tsa diheketare tse dintshwa mo go tla tlhabololwang ditirelo tsa go nosetsa;
-
Dimilione di le 12 tsa diheketare mo go tla tokafadiwang/go ntshwafadiwang dikema tse di leng teng;
-
Dimilione di le 7 tsa diheketare tse di tlhometsweng ditshiamelo tsa go laola mafaratlhatlha a go gelela metsi a a leswe le tsa metsi; le
-
Dimilione di le 10 tsa diheketare tsa mananeo a mannye a go dirisa metsi le go a somarela.
Go tlhabololwa ga mafelo a mantshwa a go nosetsa go ya ka kgato e e umakilweng fa godimo go ka nna ga baka go tshwenyega ka ga merero ya tikologo go ya ka fa go nang le tshwaelo ka teng mo go senyeng mafatshe a a tswetswenang metsi, go kgotlelega ga metsi, go oketsega ga legogo le ikalang fa godimo ga boalo jwa lefatshe le go fokodiwa ga botshelo jwa ditshedi tse di farologaneng. Ka go rialo, dikema tse dintshwa tsa go nosetsa di tshwanetse go tsamaelana le go sekasekwa ga tshwaelo ya mo tikologong, go lebilwe thata bogolo jwa sekema, fa e le gore go ka solofelwa tshwaelo e e sa siamang le e kgolo mo tikologong. Fa go sekasekwa ditshikinyo tsa sekema se sentshwa sa go nosetsa, go tshwanetse gape ga tsewa tsia mekgwa e mentsi e e sa siamang ya go e sola mosola, le go oketsa bokgoni kgotsa go ntsha dikuno, ga sekema sengwe se se ka beng se le teng mme se ka kgona go dirisediwa le ona mafelo ao. Go tshwanetse ga seksasekwa ka botlalo thekenoloji ya go tlhabolola dikema tse dintshwa tsa go nosetsa, go akarediwa le kgotlang e e ka runyang kgatlhanong le badirisi ba bangwe ba lefatshe. Go akaretsa ka botlalo le go dirisa ditlhopha tse dingwe tse di dirisang metsi e ka nna maikaelelo a a mosola tota.
Go tshwanetse ga netefadiwa gore ditšhaba tsa kwa dikgaolong tsa magae go ya ka bokgoni jwa tsona le go nna teng ga metswedi le go solwa molemo wa go dirisa mafatshe a boditšhabatšhaba ka fa go tshwanetseng ka teng, di tla kgona go fitlhelela metsi a a babalesegileng ka bontsi le mafaratlhatlha a a lekaneng a kgelelo ya leswe go itumedisa ditlhokego tsa tsona tsa boitekanelo le go tshegetsa merero ya botlhokwa ya tikologo ya tsona ya selegae.
Maikaelelo mabapi le botsamaisi jwa merero ya metsi mo ditirong tsa go tshwara ditlhapi tsa mo metsing a mo boalong jwa lefatshe le ditshedi tsa mo metsing a akaretsa ditlhokego tsa go somarela maemo a boleng jwa metsi le bontsi jwa ona go ntsha dikuno ka bontsi le go thibela go kgotlelwa ga metsi ka ditiro tsa go a dirisa. Lenaneo la Dikgato tse di tshwanetseng go tsewa le thusa mafatshe a a leng ditokololo tsa lona ka botsamaisi jwa madirelo a go tshwara ditlhapi tsa metsi a a leng mo lefatsheng ka go rotloetsa botsamaisi jo bo ka tswelediwang jwa go tshwara ditlhapi mmogo le go tlhabolola mekgwa e e tseneletseng ya go dirisetsa metsi go tshwara ditlhapi mo tikologong.
Maikaelelo mabapi le botsamaisi jwa go abela leruo metsi bo maphata a le mabedi: Go dira ditshiamelo tsa go aba metsi a a lekaneng a a nowang ke leruo le go babalela maemo a boleng jwa metsi a a nowang go tsamaelana le ditlhokego tse di kgethegileng tsa mefuta ya diphologolo. Se se akaretsa kgotlelelo e e kwa godimo ya diphologolo ya selekano sa letswai mo metsing le go se nne teng ga megare e e bakang malwetse. Ga go selekano se se ka tlhomelwang mafatshe mo lebakeng le ka ntlha ya dipharologano tse dikgolo tsa dikgaolo le tsa mafatshe a a mabapi.
Tshwaelo ya go fetoga ga maemo a loapi mo metsweding ya metsi:
Leina fela la setlhogo se le tlhotlheletsa lwantlha le sa botlhokwa tshedimosetso e e tletseng ka ga go tlhaloganya ka botlalo dikotsi tse di ka nnang teng. Setlhogo se se ka tlhaloganngwa botoka ka maikaelelo a a latelang, a maemo a a tswelediwang go ya ka ditumallano tsa Thulaganyo ya Khonvenshene ya Ditšhaba Kopano ka ga go Fetoga ga Maemo a Bosa:
-
Go tlhaloganya le go rarabolola tshwaelo ya matshosetsi ka ga go fetoga ga maemo a bosa mo metsweding ya metsi a a phepa le a a nowang;
-
Go rotloetsa go diragadiwa ga mekgwa ya bosetšhaba ya go thibela, mokgwa le nako ya fa matshosetsi ao a tlhagelela mo go ka tshwanelang go tsaya kgato ya mofuta oo;
-
Go batlisisa ka ga kgonagalo ya ditshwaelo tsa go fetoga ga maemo a bosa mo dikgaolong tse ka gale di padimolwang ke komelelo le go aparelwa ke merwalela.
|
|
|