Department of Environmental Affairs and Tourism
Directorate Environmental Information and Reporting
         

About us
Home page
Who we are
Where to contact us
Our vision/mission
Business plan 2000
Current initiatives
Publications on line
Resources
Sustainable Development Reports
Menu
SoE Reports
National Report
 Metropolitan reports
Durban
Cape Town
Johannesburg
Pretoria
Midrand Report
Downloads
Acrobat Reader
Arc Explorer
WinZip

   Comments?
Contact us by E-mail!

Kgaolo ya bo 19
Karolo ya bo II Kgaolo ya bo 18
Kgaolo ya bo 20 Kgaolo ya bo 22


Botsamaisi jo bo lolametseng tikologo mabapi le dikhemikale tse di botlhole, go akarediwa le go thibela go gweba mo lefatsheng la boditšhabatšhaba ka dikuno tsa dikhemikale tse di botlhole e e ka fa molaong

Go dirisiwa ga dikhemikale go a tlhokega fa go lejwa ditlhokego tsa botshelo jwa batho le tsa merero ya ikonomi mo ditshabeng tsa lefatshe e bile ditiro tsa malatsi a segompieno di supa gore dikhemikale di ka dirisiwa ka mokgwa o o somarelang mme di babalesegile tota. Legale, go tshwanetse go dirwa go le gontsi go netefatsa botsamaisi jo bo siameng jwa dikhemikale tse di botlhole mo tikologong, go ya ka maikemisetso a tlhabololo e e tswelediwang le go tokafadiwa ga maemo a boleng jwa botshelo jwa batho.

Mananeo a go tshwanetseng go kampanwa le ona le maikaelelo a kgaolo e ke:

  1. Go atolosa le go itlhaganedisa go sekasekwa ga boditšhabatšhaba ga matshosetsi a kotsi ya dikhemikale:
    • Go natlafatsa ditiro tsa boditšhabatšhaba tsa go sekaseka matshosetsi. Makgolokgolo a dikhemikale tse di mosola le ditlhopha tsa mefuta ya dikhemikale, go akarediwa tse di kgotlelang le tse di botlhole tse di botlhokwa mo lefatsheng lotlhe, di tshwanetse di be di sekasekilwe mo ngwageng wa 2000, go dirisiwa mekgwa ya ga jaana ya go di tlhopha le go di sekaseka;
    • Go tlhoma mekgwa ya go lekanyetsa le go amogela go baya mo pepeneneng palo e e kwa godimo ya dikhemikale tse di botlhole, go ya ka mekgwa ya go sekaseka ya segompieno le ditumallano tsa saense ka go farologanngwa magareng ga selekano sa ditlhokego tsa boitekanelo kgotsa tsa tikologo mmogo le tse di tsamaelanang le mabaka a botshelo jwa batho le a ikonomi.


  2. Go ritibatsa le go aroganya matshwao a dikhemikale:
  3. Mekgwa ya go ritibatsa le aroganya, go baya ka ditlhopha matshosetsi a mo lefatsheng lotlhe le ya go tshwaya e e tshwanetseng, go akarediwa le ditsebe tse di supang tshedimosetso ya pabalesego le matshwao a a tlhologanyegang bonolo, di tshwanstse go nna di le teng, fa go kgonagalang, ka ngwaga wa 2000.

  4. Go refosanngwa tshedimosetso ka ga dikhemikale tse di botlhole le matshosetsi a kotsi ya dikhemikale:

    • Go rotloetsa go refosanngwa tshedimosetso mo go tseneletseng ka botlalo ka ga dikhemikale, go di dirisiwa le go ntsha dikuno tsa dikhemikale ga mafatshe otlhe a a amegang;
    • Go fitlhelela mo ngwageng wa 2000, ka fa go kgonagalang ka teng, go nna le seabe ka botlalo le go diragadiwa ga mekgwa ya PIC, go akarediwa kgonagalo ya go diragadiwa ka ditaelo tsa mekgwa ya kgapeletso e e akareditsweng mo Melawaneng ya kwa London e e Mametleletsweng mmogo le mo Mekgweng ya Boitshwaro jwa Boditšhabatšhaba ya FAO, go tsewa tsia maitemogelo a a kokoantsweng fa go dirisiwa mekgwa ya PIC.


  5. Go tlhamiwa ga mananeo a a fokotsang matshosetsi a dikotsi:

  6. Maikaelelo a lenaneo le ke go phimola gotlhelele mekgwa e e sa amogelesegeng kgotsa matshosetsi a a sa tshwanelang, go ya ka selekano se se kgonagalang sa maemo a ikonomi, go fokotsa matshosetsi a dikotsi tse di tlhagisiwa ke dikhemikale tse di botlhole, ka go dirisa mekgwa e e atolositsweng ka botlalo le e e akaretsang mefuta e e farologaneng ya go fokotsa matshosetsi a dikotsi, le go tsaya dikgato tse di babalesegileng tse di bonweng mo mekgweng e e atologileng ya go sekaseka bomolemo jwa boelela gangwe le gape ga botshelo.

  7. Go natlafatsa bokgoni le ditshiamelo tsa bosetšhaba tsa botsamaisi jwa dikuno tsa dikhemikale:

  8. Ka ngwaga wa bo 2000, manaane a bosetšhaba ka botsamaisi jo bo lolameng jwa dikhemikale, go akarediwa melao le ditshiamelo tsa go bo diragatsa le go bo gapeletsa, bo tshwanetse jwa be bo tlhomilwe kwa mafatsheng otlhe ka fa go kgonagalang ka teng.

  9. Go thibela go gweba ka dikuno tsa dikhemikale tse di botlhole le dikuno tse di kotsi e seng ka fa molaong mo lefatsheng la boditšhabatšhaba:

    • Go gapeletsa gape bokgoni jwa boset haba jwa go faposa le go thibela maiteko mangwe le mangwe a go simolola go gweba ka dikhemikale tse di botlhole le dikuno tse di kotsi mo kgaolong ya Lefatsheng lengwe le lengwe, kgatlhanong le melao ya bosetšhaba le mekgwa e mengwe ya melao ya boditšhabatšhaba e e tsamaelanang nayo;
    • Go thusa mafatshe otlhe, bogolo segolo mafatshe a a tlhabologang, go bona tshedimosetso yotlhe e e tshwanetseng mabapi le go gweba e seng ka fa molaong ka dikhemikale tse di botlhole le dikuno tse di kotsi.


  10. Go tokafatsa tirisano ya Boditšhabatšhaba e e mabapi le e e tsamaelanang le mananeo a le mmalwa ka ga se:

  11. Ga go maikaelelo ape. Tsweetswee leba tlhamo ya kwa tshimologong.


TOP
 
  
  HomeWho we areWhat we doVision / missionBusiness Plan 2000Current initiativesPublications on lineResources

 
   

Copyright © Department of Environmental Affairs and Tourism.

Private Bag X447
Pretoria
Gauteng
0001
South Africa

Fax: (+27 12) 320-5469
Email: Webmaster